Luke 9

Jesu o roma ba ba lesome le bobedi

1Mme ya re ka letsatsi lengwe Jesu a phutha baaposetoloi ba gagwe ba ba lesome le bobedi! A ba naya taolo mo meweng e e bosula, a ba naya nonofo go e kgoromeletsa ntle go fodisa malwetse otlhe. 2Hong a ba roma go ya go bolelela mongwe le mongwe kaga go tla ga Bogosi jwa Modimo le go fodisa balwetse.

3A ba laela a re, “Se tseyeng le fa e le seikokotlelo, kgotsa kgetsana ya loeto, kgotsa dijo, kgotsa madi le fa e le hempe e nngwe. 4Lo nne fela fa lo gorogetseng teng mo motsing mongwe le mongwe.

5“Fa batho ba motse ba sa lo reetse fa lo tsena, hularang lo tsamaye, lo supa bogale jwa Modimo kgatlhanong le motse o o ka go itlhotlhora lorole lwa one mo dinaong tsa lona fa lo tsamaya.”

6Mme jalo ba simolola go tlhatlologanya metsana, ba rera Mafoko a a Molemo ba bile ba fodisa balwetse.

7Mme e rile fa dipolelo tsa dikgakgamatso tsa ga Jesu di tsena kwa go Herode wa mmusi, a tshwenyega thata a akabala, gonne bangwe ba ne ba re “Ke Johane wa Mokolobetsi o rudile”, 8ba bangwe ba re, “Ke Elija kgotsa mongwe wa baporofiti ba bogologolo o tsogile mo losong.” Mme magatwe a a anama le lefatshe lotlhe.

9Mme Herode a re, “Ke kgaotse Johane tlhogo.” “Jaanong ke mang monna yo ke utlwang dipolelo tse di sa tlwaelesegang ka ga gagwe?” Mme a eletsa go mmona.

Jesu o abela dikete di le tlhano dijo

10Mme ya re Baapostoloi ba sena go boela kwa go Jesu go ya go bolela se ba se dirileng, a ngwangwaela ka tidimalo le bone go ya kwa motsing wa Bethesaida. 11Mme bontsintsi jwa batho jwa bona kwa o yang gone, mme ba mo sala morago. A ba amogela a ba ruta gape kaga Bogosi jwa Modimo a ba a fodisa ba ba neng ba lwala.

12Mo tshokologong barutwa botlhe ba ba lesome le bobedi ba tla ba mo kopa gore a phatlalaletse batho kwa metsaneng le masimo a a gautshwane go ya go batla dijo le marobalo. Ba re, “Gonne ga go na se se jewang fa mo sekakeng se.”

13Mme Jesu a fetola a re, “Ba feng dijo!” Mme bone ba re, “Go reng, re na le dinkgwe di le tlhano fela le ditlhapi tse pedi mo gare ga bontsintsi jwa rona, kgotsa o gopotse gore re ye go rekela bontsintsi jo dijo tse di lekaneng?” 14Gonne go ne go na le batho ba ka nna dikete tse tlhano foo. Jesu a fetola a re, “Ba reyeng ba nne fa fatshe ka ditlhopha tse di ka nnang tsa masome a matlhano.” 15Mme ba dira jalo.

16Mme Jesu a tsaya dinkgwe tse tlhano le ditlhapi tse pedi a leba kwa godimo mo loaping a leboga; mme a ngathoganyetsa barutwa ba gagwe go di abela batho. 17Mme mongwe le mongwe a ja a kgora; mme ga sala diroto di le lesome le bobedi di tletse masalela!

Tumelo ya ga Petere mo go Jesu

18Ka letsatsi lengwe fa a le esi, a rapela le barutwa ba gagwe, a tla kwa go bone a ba botsa a re, “Batho ba re ke mang?”

19Ba mo raya ba re, “Johane wa Mokolobetsi, kgotsa gongwe Elija kgotsa mongwe wa baporofiti ba bogologolo a tsogile mo losong.”

20Hong a ba botsa a re, “Lona lo akanya gore ke mang?” Mme Petere a fetola a re, “O Mesia Keresete wa Modimo!”

21Mme a ba naya ditaolo tse di gagametseng gore ba se ka ba bolelela ope. 22A re, “Gonne ke tlaa sotlega thata, e bile ke tlaa ganwa ke baeteledipele ba Sejuta, bagolwane, baperesiti ba bagolo le bomaitseanape ba molao, ke tlaa bolawa mme morago ga malatsi a mararo ke tlaa rula!”

23Mme a ba raya botlhe a re, “Le fa e le mang yo o batlang go ntshala morago a a tseye mokgoro wa gagwe letsatsi le letsatsi a nne gaufi le nna! 24Le fa e le mang yo o latlhegelwang ke botshelo ka ntlha ya me, o tlaa bo boloka mme le fa e le mang yo o tsweletseng a boloka botshelo jwa gagwe bo tlaa mo latlhegela; 25mme go thusang gore motho a gape lefatshe lotlhe mme a latlhegelwe ke botshelo jwa gagwe?

26“Fa nna Morwa Motho, ke tla ka kgalalelo ya ga Rara le baengele ba ba boitshepo, ke tlaa ba tlhabelwa ke ditlhong botlhe ba ba ntlhabelwang ke ditlhong le mafoko a me gompieno. 27Mme boammaaruri jo e leng jone ke jo, bangwe ba lona ba ba emeng fano fa nako e, ga ba kitla ba a swa go fitlhelela lo sena go bona Bogosi jwa Modimo!”

Kgalalelo ya ga Jesu

28Morago ga malatsi a le lesome le bofera bobedi Jesu a tsaya Petere, Jakoba le Johane go ya go rapela kwa dithabeng. 29Mme ya re a ntse a rapela, sefatlhogo sa gagwe sa simolola go phatsima le diaparo tsa gagwe tsa sweufala tsa lakasela. 30Hong banna ba babedi Moshe le Elija ba iponatsa mme ba simolola go bua nae. 31Ba ne ba bonala ba galalela, ba le bantle thata; ba bua ka loso lwa gagwe lo lo tlaa diragalang kwa Jerusalema go diragatsa leano la Modimo. 32Petere le ba bangwe ba ne ba otsela ebile ba robetse. Hong ba tsoga ba bona Jesu a apesitswe ke phatsimo le kgalalelo, le banna ba babedi ba eme le ene.

33Erile fa Moshe le Elija ba simolola go tsamaya, Petere a sa itlhaloganye, a bile a sa itse se a se buang a kgomoga a re, “Morena, go molemo jang! Re tlaa aga metlaagana e le meraro, o mongwe e le wa gago o mongwe e le wa ga Moshe o mongwe e le wa ga Elija.”

34Mme ya re a santse a bua jaana leru le le phatsimang la ikaga mo godimo ga bone; mme ba tshwarwa ke poifo fa le ba khurumetsa. 35Mme lentswe le le tswang mo lerung la re, “Yo ke morwaake, yo ke mo itlhaoletseng; mo utlweng.” 36Mme ya re morago, lentswe le sena go feta, Jesu a bo a le esi le barutwa ba gagwe. Mme ba seka ba bolelela ope se ba se boneng go fitlhelela morago ga lobaka lo lo leele.

Mosimane yo o neng a nale mototwane

37Mme ya re ka letsatsi le le latelang fa ba fologa thaba, boidiidi jo bogolo jwa batho jwa mo kgatlhantsha, 38hong monna mongwe mo bontsing a mo tlhaeletsa a re, “Moruti, mosimane yo o fano yo ke ene fela morwaake, 39mme mowa o o maswe o tsweletse ka go mo tshwenya, o mo dira gore a goe; mme o mo karalatse gore a bo a phoke mafulo mo molomong; o aga o mo keteka, mme ga o ke o bo o mo tlogela. 40Ke kopile barutwa ba gago gore ba kgoromeletse mowa o o maswe o kwa ntle mme ga ba a ka ba kgona.”

41Hong Jesu a raya barutwa ba gagwe a re, “Batho ba ba logwadi ke lona ba lo senang tumelo, ke tlaa nna le lona lobaka lo lo kae? Mo tliseng kwano.”

42Ya re mosimane a tla mowa o o maswe wa mo digela fa fatshe wa mo karalatsa mo go botlhoko. Mme Jesu a laola mowa o o maswe gore o tswele kwa ntle, a fodisa mosimane mme a mo neela rraagwe.

43Mme batho ba welwa ke kgakgamalo fa ba bona tiragalo ya nonofo ya Modimo. E rile ba sa ntse ba bolela dilo tse di molemo tse o neng a di dira, Jesu a raya barutwa ba gagwe a re,

44“Ntheetsang lo bo lo gakologelwe se ke se buang. Nna, Morwa Motho, ke tlaa okwa.” 45Mme barutwa ba gagwe ba ne ba sa itse gore o rayang, gonne megopolo ya bone e ne e kaneletswe, ba boifa go mmotsa.

Jesu o ruta ka boikobo

46Mme jaanong ga tsoga kgang mo gare ga bone gore ke ofe wa bone yo o tlaa nnang mogolo [mo Bogosingjo bo tlang]! 47Mme Jesu a bo a setse a itsile megopolo ya bone, a baya ngwanyana fa go ene, 48mme a ba raya a re, “Le fa e le mang yo o tlhokomelang ngwananyana yo o tshwanang le yo, o tlhokomela nna! Mme le fa e le mang yo o ntlhokomelang o tlhokometse Modimo o o nthomileng. Tlhokomelo ya lona mo go ba bangwe ke sone selekanyo sa bogolo ba lona.”

49Mme morutwa mongwe wa gagwe ebong Johane a tla kwa go ene a re, “Morena, re bone mongwe a dirisa leina la gago go kgoromeletsa mewa e e maswe kwa ntle. Mme ra mo itsa. Ka gonne e ne e se wa setlhopha sa rona!”

50Mme Jesu a re, “Ga lo a tshwanela go ka bo lo dirile jalo! Gonne mongwe le mongwe yo o seng kgatlhanong le lona ke wa lona.”

Basamarea ba gana go amogela Jesu

51Mme ya re ka lobaka lwa gagwe lwa go boela kwa legodimong lo atamela, a tsamaya ka boiketlo go ya Jerusalema ka maikaelelo a a tlhomameng. 52Mme ya re ka letsatsi lengwe a romela barongwa kwa pele go ya go ba baakanyetsa matlwana mo motseng wa Samaria. 53Mme batho ba motse oo ba ba koba ba gana go ba amogela ka gore ba ne ba fetela Jerusalema.

54Mme e rile fa ba utlwa gore go diragetseng, Jakobe le Johane ba raya Jesu ba re, “Morena, a ke re laole molelo gore o fologe kwa legodimong o ba laile?” 55Mme Jesu a retologa a ba kgalemela, 56mme ba tsamaela kwa motseng o mongwe.

Tsela ya go sala Jesu morago

57Ya re ba ntse ba tsamaya mongwe a raya Jesu a re, “Nna ke tlaa go sala morago gongwe le gongwe kwa o yang teng.”

58Mme Jesu a mo fetola a re, “Gakologelwa gore ga ke na fa ke robalang teng, bophokoje ba na le mesima e ba nnang mo go yone, le dinonyane di na le dintlhaga, mme nna Morwa Motho ga ke na lelapa mo lefatsheng gotlhelele.”

59Mme ya re ka nako e nngwe fa a laletsa monna mongwe go nna morutwa wa gagwe, monna a dumela, mme a batla go leta go fitlhela loso lwa ga rraagwe.

60Hong Jesu a mo fetola a re, “Lesa ba ba senang botshelo jo bo sa khutleng ba dire dilo tse di ntseng jalo. Wena tiro ya gago ke go tla go rerela lefatshe lotlhe Bogosi jwa Modimo.”

61Yo mongwe a re, “Ee, Morena, ke tlaa tla, mme ntetla go ya go kopa tetlelelo mo go bagaetsho.” 62Mme Jesu a mo raya a re, “Le fa ele mang yo o iteseletsang go tsietsega mo tirong e ke e mo laetseng ga a a nonofela Bogosi jwa Modimo.”
Copyright information for TsnLEF